Molepolole

Gotšwa go Wikipedia

Molepolole ke motsemogolo wa Bakwena. Toropo o sekgala sa 52 km bodikela ya toropo kgolo Gaborone.

Molepolole ke boagedi jwa batho ba ka tshwara (go sa tlhomamisega) dikete tse masome a supa (70 000).

Fa motse o o leng gone go ne go bidiwa Dithubaruba fa Bakwena ba tla go aga teng. Ka nako tseo ba ne ba eteletswe pele ke Kgosi Sechele o o neng a ba falotsa mo Maburu (the Boers, the white Afrikaner farmers of South Africa) le mo go Mzilikazi wa Batebele.

Kgosi Sebele wa Bakwena ke mongwe wa dikgosi tse tharo tsa Batswana ba ba ileng ba ya ko ga Mmamosadinyana (England) go ya go kopa tshireletso mo Maburung ba ba neng ba ikgagapelela lefatshe.

Kgosi kgolo ya motse ka nako eno (2006) ke Kgari Sechele. O tsere bogosi jwa gagwe mo go motshwarelela bogosi e bong Rre Kgosikwena Sebele, le fa go ntse jalo Rre Kgosikwema e rile go mo bo rolela ya seka ya nna kgetsi e potlana ka go bo a ne a re bogosi ga bo a lebana Kgari Sechele. Go ya ka tshekatsheko ya ditso tsa bakwena, go le bega ha bogosi bo ne bo lebagane Mokgalagadi Sechele, kgotsa mongwe wa bo monnawe. Le mororo go ntse jalo, Kgosi Kgari Sechele ke ene kgosi ya Bakwena mo bogompienong.

  • Molepolole College of Education
  • Molepolole Innstitude of Health Sciences (IHS)
  • Kgari Sechele Museum
  • Scottish Livingstone Memorial Hostpital